Tip:
Highlight text to annotate it
X
Letsatsi la gagwe le Weditswe Ka Maya Angelou
Letsatsi la gagwe le weditswe
Le weditswe
Dikgang di gorogile mo diphukeng tsa phefo
E itsemelediteng go tshola morwalo wa one
Letstatsi la ga Nelson Mandela le weditswe
Dikgang di letilwe, fela di sa amogelesege
Di a re fitlhelela fela jalo kwa Amerika
Lefatshe la rona la hutsafala
Magodimo a ntshofala
Letsatsi la gagwe le weditswe
Re a lebona, batho ba Aferika Borwa
Le eme, le sena mafoko
Fa lebati la bofelo le tswalega
Lebati le mongwe le mongwe o tsenang a sa boeng
Mewa ya rona e nale lona, Batho, MaZulu, MaXhosa, Basweu
Re a le gopola le morwa wa lona wa Aferika
Rre wa lona, kgagapa ya lefatshe
Maikutlo a rona ke ao
Fa le gopola Tafita wa lona
Segatlhamelamasisi ka letlapa fela
A lebagane le Goliata o tiileng
Monna wa senatla, Kidione
Mofenyi
Lefa a belegetswe mo kgethololong
fa gare ga kgethololo ya merafe
A ya kgolegong a sena molato
Kwa setlhakatlhakeng sa Aferika Borwa
A o ne a tla falola monna yo?
A monna yo o ne a tla falola jang?
Dikarabo tsa gagwe tsa tiisa banna le basadi ba lefatshe ka bophara
Botlhabanelong kwa San Antonio, Texas
leporogong la Golden Gate, kwa San Francisco,
lobopelelong kwa Chicago,
kwa New Orleans Mardi Gras,
kwa New York ko Times Square,
re ne re lebile jaaka tsholofelo ya Afrika
e tswa ka mejako ya kgolegelo.
Bo pelo tona jwa gagwe bo santse bo itekanetse,
thato ya gagwe e sale matlhagatlhaga.
Mabadi a se mo fedise
le kgatlhego ya ditshwanelo tsa batho
ga e ka ya nyenyefatswa ke kgolegelo ya dingwaga di le masomamabedi le bosupa.
Le fano Amerika,
re utlwile pheswana e tshedisang ya kgololesego.
Fa Nelson Mandela a tsaya setilo sa bo Presidente mo lefatsheng la agwe
Mo a neng a sa letlelelwa go kgetha
re ne ra tlala dikeledi tsa boipelo,
go bona ba ba ne ba le balebeledi ba gagwe kwa kgolegong
a ba laleditse, ba dutse kwa pele motlhang a tlhomamisiwa jaaka mopresidente.
Re mmone fa a amogela sekgele sa lefatshe ko Norway
ka boikobo le ditebogo,
jaaka metlheng ya kgotla ya bogologolo kwa Roma,
le seriti sa Dikgosi tsa Aferika tsa ditilo tsa bogosi ba maloba.
Letsatsi ga le wele ruri,
le a tlhaba gape le tlise bosa.
Ee, letsatsi la Mandela le weditswe
fela rona, bajaboswa ba gagwe,
re tla atlhamisa mejako
ya poelano,
re arabe ka bo pelotshweu
dilelo tsa bantsho le basweu,
maAsia, Hispanics,
bahumanegi botlhe ba ba tshelang ka tshotlego mo lefatsheng la rona.
O re rutile kutlwano.
Ga re kitla re loba boitshwarelo
le mo go bao ba sa bo lopeng.
Letsatsi la ga Mandela le weditswe,
re ipolela ka mantswe a tletse dikeledi,
mme re a tsholetsa re re re a leboga.
Re a leboga Kidione wa rona,
re a leboga Tafita wa rona
seganka se segolo sa rona.
Ga re kitla re go lebala,
Ga re kitla re go swabisa,
re tla go gopola re itumelela
gore o kile wa tshela magareng ga rona,
wa re ruta,
le gore o re ratile, rotlhe.